07/06/2023
Madume ke setho kajolo kere madume go botlhe.
Ntetle ke go tseye ke go busetse morago, ngwaga ke ole wa ketekgolo a robongwe some a robong le borataro, moranang ale matsatsi ale lesome le bone (1996 - 04 - 14) moo motse wa rona wa CHANENG okile wa welwa ke leru le lentsho. Setlhopa sa rona seo se neng se itsege ele the Mighty Rocky Stars se ne se tlhaga go tshameka bolo kafa bakgatlheng kafa mo ileng sejanaga seo seneng se palangwe ke batshameki se ile sa amega mo kotsing ee masisi.
Gake gopola sentle, setlhopa se se ile sa latlhegelwa ke batshamiki bale bane, maina a bona atla tlhagella mo tsamaong ya nako. Bangwe ba bao ba falotseng ba ile ba kereya dikgobalo tse di masisi mme CHANENG ene e faraferwe ke kgutsafalo fela.
Jaanong, Ditang Movement le Chaneng Master's ba bone gole matshwanedi gore re gakologelwe batshameki ba ka a football tournament eo etla nnang teng ka June 16. Motto ke "Remembering and Celebrating our Falleng Hero's" kajolo mogaetso oa lalediwa, tlaya o keteke le rona fa re gopola bomorwarrarona.
Tlaya o lebelle batshameki ba maloba bo (Condom) ba dira matsh*tshi.